MOLAO WA TAOLO YA DITHUNYA,
LETLHA LA BOFELO LE ATOLOSITSWE
MATLHA A BOFELO A DINTŠHWA
Dipaka tse di latelang tsa ntšhwafatso tse di tlhabolotsweng, go ya ka matlha a botsalo, di malebana le motho yo o eletsang go ntšhwafatsa laesense ya gagwe ya sethunya, tetla kgotsa tumelelo:
Letsatsi la botsalo Paka ya ntšhwafatso
Ferikgong go fitlha 1 Ferikgong 2005 go fitlha ka 31 Mopitlwe ka 31 Mopitlwe 2006
Moranang go fitlha 1 Ferikgong 2006 go fitlha ka 30 Seetebosigo ka 31 Mopitlwe 2007
Phukwi go fitlha 1 Ferikgong 2007 go fitlha ka 30 Lwetse ka 31 Mopitlwe 2008
Diphalane go fitlha 1 Ferikgong 2008 go fitlha ka 31 Sedimonthole ka 31 Mopitlwe
DITHUNYA TSE DI SA BATLEGENG
Mongwe le mongwe yo o sa tlholeng a eletsa go nna le sethunya kgotsa dithunya dingwe le dingwe tse di nang le laesense a ka tlhagisa sethunya kgotsa dithunya tseo ka nngwe ya ditsela tse di latelang:
A rekisetsa mogwebi yo o nang le laesense sethunya;
A rekisetsa mongwe sethunya yo o tshwanetseng go bona laesense ya go tshola sethunya seo ka katlego;
A neela sethunya go mogwebi wa dithunya gore a se dire gore se se ke sa tlhola se dira morago ga gore tetla e bonwe go tswa kwa Tirelong ya Sepodisi ya Aforika Borwa;
A neela sethunya kgotsa dithunya kwa Tirelong ya Sepodisi ya Aforika Borwa go senngwa;
A dira gore sethunya se romelwe kwa ntle leruri; kgotsa
A rekisetsa mogwebi yo o dumeletsweng sethunya.
Setheo sa Thuso sa Bosetšhaba sa Dithunya
GO TLISIWA GA DITHUNYA KA BOITHAOPO KWA TIRELONG YA SEPODISI YA AFORIKA BORWA
Kgato ya 1:
E ya le tse di latelang kwa Motlhankeding yo o maleba wa Dithunya yo oThapilweng kgotsa leloko le le thapilweng kwa seteišeneng sa sepodisi:
lekwaloitshupo la semmuso la tshimologo la gago;
laesense kgotsa dilaesense tsa gago tsa tshimologo, tetla kgotsa ditetla kgotsa tumelelo kgotsa ditumelelo malebana le sethunya kgotsa dithunya tse di yang goneelwa SAPS;
sethunya kgotsa dithunya tse di maleba le/ kgotsa ditlhabano tse di yang go neelwa SAPS
Kgato ya bo 2:
O ya go kopiwa go tlatsa karolo kgotsa dikarolo tse di maleba tsa foromo 522(a) ya SAPS (Foromo ya go neela sethunya kgotsa dithunya).
Kgato ya bo 3:
Motlhankedi yo o maleba wa Dithunya yo o Thapilweng kgotsa leloko le le thapilweng kwa seteišeneng sa sepodisi le ya go tsaya sethunya kgotsa dithunya le/kgotsa ditlhabano le laesense kgotsa dilaesense tse di malena, tetla kgotsa ditetla, kgotsa tumelelo kgotsa ditumelelo.
Kgato ya bo 4:
Netefatsa gore o bona pegokamogelo jaaka bosupi jwa gore sethunya kgotsa dithunya le kgotsa ditlhabano le laesense kgotsa dilaesense tse di maleba, tetla kgotsa ditetla kgotsa tumelelo kgotsa ditumelelo di neetswe SAPS.
Kgato ya bo 5:
Sethunya kgotsa dithunya di ya go tlosiwa mo Thulaganyong ya Rejisetara ya Dithunya ya SAPS.
Kgato ya bo 6:
Sethunya kgotsa dithunya di ya go senngwa ke SAPS.
Ga go na ditshenyegelo dipe tse motho yo o neelang ka boithaopo sethunya le/ditlhabano kwa Tirelong ya Sepodisi ya Aforika Borwa go senngwa a ka nnang le tsona. Mongwe le mongwe yo o senyang kgotsa yo o fetolang sethunya o tlabo a dira molato e bile a ka pharwa ka molato wa bosenyi.
ACT: Rotlhe Kgatlhanong le Bosenyi le go bega dithunya tse di seng mo molaong mo mogaleng o wa Thibelo ya Bosenyi wa SAPS 08600 10111
Setheo sa Thuso sa Bosetšhaba sa Dithunya
Kumo ya Thulaganyo ya Tlhaeletsano ya SAPS, Tlhotlhomiso le Papatso SAPS
Tlhakole 2006
